Offer details
Format
Loans rules
Streaming
Protection
Khutshwe e e ka ga nako, ka e sa lete sepe le ope. Lelapa la kwa gaabo Mabontle le ne le phela ka kgatelelo le pogiso, Mabontle e le ena mmusaesi, Mokgerisi, yo o senang bothibo, yo o sa kadiweng, yo o sa felelelweng. Ngwana yo o godileng a tlhekefetsa bo mogolole go tloga bonnyaneng go fitlha ba raga lepai botlhe, e nna ena a tsayang maemo a leitebolo. Mosadi yo o neng a laola go simolola kwa go mmago mmagwe go tswelela kwa gofejaneng tota le go tswa ka lelapa. Mosadi yo o leleme go gaisa dikgoka tsa diganka ka le tsona di ne di kgapiwa ke bogale jwa se ditsebe di se utlwang. Lekgarebe la ditebego tse di kgatlhang matlho otlhe, mme bo monnawe bona ba lebega jaaka dikhutsana tse di ikgatholositsweng. Kgarebe e e nang le bokgoni jwa go ja, fa ba bangwe mo lapeng ba metsa mathe. Kgarebe e e kgonang go apola ngwana wa mosetsana mo pepeneneng. Setlogolo se se kgonang go kgerisa mmago mmagwe jaaka monnawe.
Ngwana yo o kgonang go tlontlolla mmagwe jaaka thaka ya gagwe. Ausi yo o kgonang go ikakanyetsa a le esi ekete ke ena ngwana a le osi mo lelapeng. Moagisani yo o ratang kgotlhang, moduli yo o kgatlhisang baagi ka dilo tse di lapisang. Tsala e e ratang le go kgathalela baditŠhaba go gaisa losika ka bophara. Nako e ile ya sia Mabontle, ya tsamaya jalo ya mo sia a le esi, tota le bontle jwa gagwe bo kgaogane le ena, bo ile le nako. Bagolo ba legae ba ile pele nako e mo sia, ditsala di ile le nako, a sa la a le esi, botlhe ba a neng a phedisana le bona ba ile le nako yaaka ekete ba gogotswe letsubutsubu. Madi a nyelele jaaka mouwane. Bo mogolole Mabontle bona ba se tsewe ke nako. Ke bona fela ba ile ba sa la le ena. Go itshwarela Mabontle ga bona go mo phonyositse go boga a le esi. Go mo pholositse ga a ke a tlhoka thuso, ka bo monnawe ba ile ba kgona go mo thusa, ba mo tlhokomela mmogo le ngwana wa gagwe. Mabontle e na ka e le lekgalagadi ka pelo, bo monnawe ba ile ba tshwanelwa ke go amogela gore le fa nako e tlositse dilo tsotlhe mo botshelong jwa gagwe, go nna le botho ke maaka fela. Ba mo amogela fela jalo.
Accessibility features
- Table of contents navigation