Katlego ya gago e mo matsogong a gago

See more by Tshegofatso Masilo

Available at Select Retailers

A o kile wa ikutlwa o gateletswe, o sa bone tsela ya botshabelo, o nyemile moko fa o ntse o le mo tseleng ya go fitlhelela mekgele ya gago? Gongwe e le ka ntlha ya mathata a botshelo. Setswana se a re moepa-thutse kodumela. Katlego ya gago e mo matsogong a gago ke buka ka ga kgang ya mawelana a a diragaletsweng ke dilo tse di utlwisang botlhoko ba sa le bannye. Ditlhabi tsa botshelo di ne tsa ba gogela morago mo go fitlheleleng mekgele ya bone. A ba ne ba ineela? Gona ga ba a ka ba ineela, mme ke eng se se ba thusitseng se gongwe le wena se ka go thusang. Bona gore le wena o ka kgona go atlega le fa maemo a ka nna afe. Itumelele go bala Katlego ya gago e mo matsogong a gago.

Other books by Tshegofatso Masilo

About the author

Tshegofatso Masilo

Ka ga Tshegofatso Masilo

Ka leina ke Tshegofatso Masilo. Morati wa botaki. Lorato lwa me la go kwala le simoletse fa ke ne ke kwala ka nngwe ya tiro ya me ya tsa botaki. Ke kwala ka maitlhomo a go rotloetsa. Ke tshela ka mafoko ano ‘O se ke wa ineela’ ka jalo ke rotloetsa batho segolobogolo baša gore ba se ke ba ineela mo mekgeleng ya bone. Eo ke thuto e mongwe a ka itseelang yone mo bukeng ya me ya ntlha “Katlego ya gago e mo matsogong a gago”.